Ka'êškone

From Tsétsêhéstâhese Wikipedia
Jump to: navigation, search

Bana botlhe ba feta ka dikarolo tsa kgolo go lebilwe maikutlo le boitshwaro. Losea kgotsa ngwana yo monyennyane ba tla tshameka ba le nosi ka boitumelo. Fa ngwana yo

Children in Namibia(1).jpg

mongwe a tsena mo tshamekong e e tsweletse le e ne o ka ntshiwa ka go garumelelwa kgotsa ka go mo kgarametsa. Mogongwe ngwana o kgona go tshameka le yo mongwe, ka bonyakabonya a ithuta go amogana le go drisa ditshono tsa gagwe. Kwa pheletsong setlhopha se a gola goya ko baneng ba le bararo kgotsa ba le bane. Ka nako e ngwana a simololang go tsena sekolo la bananyana go tla nna motlhofo mo go e ne gore a tsenelele setlhopha sa bana ba bangwe mme a simolole go natefelelwa ke lesedi le o.[5]

Ngwana yo o nang le ADHD le bogole o ka tlhoka thuso e e feteletseng go ithuta tselana tsa bo ja mmogo. Go fetoga ga dikai tsa ngwana wa ADHD di ka modira gore a nne se tshwakga mo kamanong ya gagwe le ba nkana ba gagwe. Bana ba ba tlhaelelwang ke go tsaya nako ya bone ga e kake ba inakanya le tomagano mo tikologong ya bone, se se dira gore go nne thata mo go bone gore ba ithute dikitso tsa tomagano ka lesedi le ba nang le lone.[5]Dingwaga tse go akanngwang fa ngwana a na le boikarabelo mo ditshwetsong tsa gagwe sekai(lenyalo, go tlhopha, le tse dingwe fela jalo) di fetogile mo tsamao ya nako, mme se se kailwe ke tsela e ba tsewang ka yone ke makgotla a molao. Ka dinako tsa ba Roma, gone go tsewa gore ngwana ga e kake ya nna modira melato, maemo a moragonyana a ileng a amogelwa ke kereke.. Ka disentshuri tsa lesome le boferabongwe, bana ba ba ko tlase ga dingwaga tse supa gone go sa dumele gore e ka nna badira melato. Bana ba dingwaga tse di fetang bosupa bone gone go akanngwa gore ba na le boikarabelo jwa ditshwetso tsa bone. Ka mong ba ne ba ka lebisiwa dikatlholo tsa melato ya borukutlhi, ba isiwa kwa kgolegelong ya batho ba ba tona, e bo ba otlhaiwa jaaka bone ka go ba kgwathisa, go batshuba ka ditshipi le go ba kaletsa. [6] Mo bo gompieno mo mafatsheng a le mantsi jaaka Canada le United stattes, ngwana wa dingwaga tse di lesome le bobedi kgotsa go feta ba bewa ka boikarabelo jwa ditiro tsa bone mo ba ka felelang ba rometswe kwa dikgolegelong tsa pankanyo motho jaaka 1}juvenile hall.

Ditshekatsheko di lemogile fa mafatshe a ka nna masome a mabedi le botlhano lefatshe ka bophara a sena dingwaga tsa thuto e e tlhokegang gotsa e e patelesegang go ka dirwa. Dingwaga tse di ko tlase tse di sa letelelweng fa ngwana a ka bereka kgotsa go nyalwa le tsone di a farologana. Mo mafatsheng a le sekaenyana fela a le lekgolo le masome a mabedi le botlhano, bana ba dingwaga tse supa go ya kwa go tse lesome le botlhano ba ka tseelwa kwa kgotla tshekelong le kwa dikgolegelong ka mabaka a ditiro tsa borukutlhi. Mo mafatsheng a mangwe bana ka fa molaong ba patleletswa go tsena sekolo go fitlhela ba le dingwaga tse di simololang ka lesome le bone kgotsa lesome le botlhano, mme ba ka bereka pele ga dingwaga tse. Tshwanelo ya ngwana ya go rutega e gomagomediwa ke go nyalwa mo go tlang pele,pereko ya bana le go isiwa dikgolegelong.[7]

Vo'êstaneo'o[edit | edit source]